GO BOELA TIRONG KANA SEKOLONG
O ka nna wa batla go tswelapele o anyisa letsele o ntse o dira kgotsa o boela sekolong ka mabaka a mantsi: ke dijo tse di molemo mo ngwaneng wa gago, di sireletsa ngwana mo malwetsing mme ke tsela ya go atamalana gape fa o tlile gae.
Melao ya Aforika Borwa ya Ikatiso e e Molemo mo go Sireletseng Badiri fa ba Imile le Morago ga Tsalo ya Ngwana e go naya tshono ya go anyisa metsotso e ka nna 30 gabedi ka letsatsi, go anyisa le go gama maši tsatsi lengwe le lengwe la tiro, mo dikgweding tse thataro tsa ntlha tsa botshelo jwa ngwana. Bomme ba ba dirang mme ba anyisa letsele ba tsaya nako e nnye gore ba kgone go tlhokomela bana ba bone ba ba lwalang.
​
LEFELO LA GO GAMA KO TIRONG KGOTSA KO SEKOLONG
A go nale lefelo le le sa tseniweng ke batho thata le le nang le kgoro e e kgonang go lotlelwa? Fa go sena, o ka nna wa tlisa sekirini kgotsa o apare seaparo sa go anyisa se se khurumetsang fa o gama.
A go nale setsidifatsi se o ka bayang maši a gago mo go sone? Fa go sena, o tla tshwanela ke go itlela ka kgetsana e e tsedifatsang mme e nale leje le le tsidifatsang.
Bomme bangwe ba dirisa nako ya bone ya go ja kgotsa ya tee ga mmogo le nako ya go anyisa letsele e ba e neilweng ke Molao wa Aforika Borwa wa Ikatiso e e Molemo.[1]
SELEKANO SA MAŠI
Tlogela maši a a ka nnang dimilimitara di le 30-40 ura nngwe le nngwe fa o le kgakala le ngwana. Nako nngwe ngwana a ka tlhoka a mantsi fa ele gore o santse a gola.
STORING YOUR MILK
Bomme ba le bantsi ba gama maši ko tirong gompieno ba direla gore ba a tlogelele bana kamoso.
Mabolokelo a galase a siame mme a ka dirisiwa gape. A tlhatswiwe ka metsi a a nang le sesepa ke seo se tlhokegang fela gore ngwana a gole sentle.
Boloka maši a gago a le tsididi fa o sa a dirise mo diureng tse di tlang.
Fa o boloka maši go a dirisa kgantele, o ka nna wa a kopanya fa a le mo thempereitšhara e e tshwanang.
Boloka maši mo dikgetsaneng tse dinnye tse di ka nnang dimilimitara di le 60-100 gore a seka a senyega.
MATSATSI A NTLHA FA O BOELA TIRONG
O tlile go gopola ngwana wa gago le ngwana wa gago o tlile go go gopola. Dira nako ya go anyisa mo mosong pele o tsamaya.
Bua le motho yo o tlhokomelang ngwana ka go tlogela maši ga gago le gore ngwana o jesiwa jang (ka sekai., ka botlolo kgotsa kopi ya polasitiki).
Tlisa setshwantsho sa ngwana wa gago gore o se lebe kgotsa siaparo se sennye gore o senkge fa o gama maši a gago.
Apara seaparo se se go tlogelang kgotsa se se nang le ditalama mo pele go direla gore o game maši bonolo.
Ngwana wa gago a ka anya thata bosigo go tlaleletsa nako e a nnang a se gaufi le wena. Bomme ba bantsi ba baya bana gaufi le bone bosigo gore ba kgone go robala sentle. Fa ngwana a ka anya thata fa lo le mmogo, le mmele le one o tla dira maši a mantsi.
TIRISO YA MAŠI A GAGO
Bana ba bangwe ba itumelela go nwa maši a a tsididi, kgotsa o ka nna wa a futhumatsa ka sejana se se nang le metsi a a bollo. O seka wa a gotetsa ka setofo kgotsa microwave.
Maši a a tlogetsweng a ka nna a newa gape ka nako ya go ja.
Fa ele gore maši a kgapatlegile, o seka wa a tsenya gape mo setsidifatsing fa a gakologile, mme a dirise mo diureng tse 24.
Maši a beilweng mo kgetsaneng e e tsidifatsang mme e nale leje le le tsidifatsang a ka nna a dirisiwa mo diureng tse 24.
Maši a a beilweng ko morago ga setsidifatsi a ka dirisiwa mo malatsing a 3-8.
Maši a a beilweng mo bokosong ya aese ya setsidifatsi a ka dirisiwa mo dibekeng tse 2.
​
REFERENCES
[1] The Basic Conditions of Employment Act (BCEA) of South Africa
- https://www.gov.za/documents/basic-conditions-employment-act
and
The “Code of Good Practice on the Protection of Employees during Pregnancy and after the Birth of a Child” COGP)