top of page

GO AMANA GA MMELE

Go amana ga mmele ke tsela ya go kgathalela ngwana wa gago. Ngwana o apara fela leiri mme a bo a tshwarelwa ka tshireletsego gaufi le matsela a gago a a sa apesiwang. Bomme ba ka dira go amana ga mmele fa ba simolola go anyisa, fa ba anyisa gape kgotsa nako nngwe le nngwe e wena le ngwana wa gago lo batlang ka yone.

 

GO TSHWARA NGWANA WA GAGO KA GO AMANA GA MMELE GO BOTLHOKWA KA GONNE:

  • Go dira ngwana wa gago a ikutlwe a sireletsegile.

  • Go thusa gore o itse ngwana wa ago le gore lo atamalane.

  • Go dira gore wena le ngwana wa gago lo lokolosege. 

  • Go oketsa maši a letsele.

  • Go thusa gore ngwana a none.

  • Go thusa go baya sukiri ya mmele wa ngwana e nne e e siameng.

  • Go dira ngwana a kgobe makgwafo.

  • Go thusa ka go betsa ga pelo ya ngwana le gore a heme sentle..

  • Go thusa thempereishara ya ngwana e nne e e siameng, mme fa o nale mawelana, ba tshware ka tsela ya gore mongwe le mongwe a nne mo letsele ele gore ba futhumale, ka moo lewelana lengwe le lengwe le tlhokang ka gone.

  • Fa ele gore ngwana wa gago o tsetswe pele ga nako kgotsa o monnye thata, go tswelela lo amana ka mmele go ka thusa go boloka botshelo jwa ngwana.

  • Go amana ka mmele go thusa go.nitamisa bana.

​

Borre le bone ba kaamana le bana ba bone ka mmele!

 

IPAAKANYETSE GO AMANA KA MMELE

  • Apola hempe kgotsa bra ya gago. Apola ngwana diaparo. O ka mo lesa a apere leiri.

  • Fa kamore e le tsiditsana, lo ka ikgatla ka kobo.

  • Baya ngwana mogare ga matsele a gago – sefuba sa ngwana se nne mo sefubeng sa gago. Matsogo le maoto a obegile jaaka segwagwa.

  • Netefatsa gore ngwana o kgona go hema – marama a ngwana a nne mo letlalong la gago. Tlhogo ya ngwana e nne gaufi mo o ka kgonang go e atla.

  • Dulela ko morago mo setulong kgotsa mo beteng. Go seke gwa nna lle mosamo kgotsa dialo gaufi le ngwana.

 

GO AMANA KA MMELE GA BATSADI BOTLHE LE NGWANA

A go sireletsegile? Ee, fa wena le ngwana lo dutse sentle go sena dialo kgotsa mesamo.

A ke kgona go amana ka mmele le mawelana? Ee, fa ngwana mongwe le mongwe o mmeile mo letseleng lengwe, o ka kgona go amana ka mmele le bone.

Go tewa eng fa ke sa ikutlwe sentle? Bolelela mongwe fa o sa ikutlwe sentle.

Go tewa eng fa ngwana a tsetswe pele ga nako? O ka amana le ene ka mmele go mo naya maatla.

Ke tshwanetse go simolola leng go amana ka mmele? O ka simolola fa ngwana a fetsa go tsalwa.

A nka kgona go amana ka mmele le ngwana wame yo o setseng a godile? Ee, go amana ka mmele go botlhokwa le fa ngwana a godile.

A go amana ka mmele go thusa go dira maši a oketsegileng? Ee, go amana ka mmele go thusa ngwana go tshwara le go anya letsele botoka. Fa ngwana a anya lo amane ka mmele go dira maši a a oketsegileng.

© 2025 by La Leche League South Africa. Read our Privacy Policy here. Read our PAIA Manual here.

  • Facebook Social Icon
MySchool button.png

All images and other materials posted on this site are subject to copyrights owned by La Leche League South Africa or other individuals.  Any reproduction, retransmission, distribution or republication of all or part of any images, and other materials found on this site is expressly prohibited, unless La Leche League South Africa or the copyright owner of the material has expressly granted its prior written consent.  All other rights reserved.  

bottom of page