top of page

GO GAMA MAŠI A GAGO KA LETSOGO

Go gama maši ka letsogo ke botswerere jo mme a ka ithutang jone. Bomme ba le bantsi ga bana pompo ya matsele. Ba gama maši ka letsogo gore ba a tlogelele bana ba bone. Matsele a gago a itse mufuthu wa go amana ka mmele, ka jalo matsogo a gago a gago mo letseleng a ka seke a utlwalega e le selo se se sa tlwaelegang mme a ka thusa go ntsha maši a mantsi mo matseleng a gago. Ga o tlhoke sepe ntle le matsogo a gago!

MABAKA A GO GAMA KA LETSOGO

Maši a gago ke dijo tse di siametseng ngwana wa gago. O ka tlhoka go gama maši ka letsogo:

  • Fa ngwana a tsetswe pele ga nako mme a sa kgona go anya letsele.

  • Fa ngwana a lwala thata gore a ka anya.

  • Fa letsele le tletse thata morago ga tsalo mme o tlhoka go fokotsa bokete jwa letsele.

  • Fa o tlhoka go direla ngwana maši a oketsegileng.

  • Fa o le kgakala le ngwana mme o tlhoka go tlogelela ngwana maši.

Bomme gantsi ba nna le maši a mantsi fa ba dirisa matsogo a bone, go nale pompo.

MOFUTA WA MARMET WA GO GAMA MAŠI

Fano ke tsela tse di motlhofo tsa go gama maši:

  • Sa ntlha, go ntsha maši fela go siame. Baya sekotlolo se se bulegileng mo diropeng tsa gago go tshwara maši, o a fetisetse mo sekotlolong se sennye, mme o a tshele mo koping fa o bona go le bonolo. Bomme bangwe ba kgona go dira seno mo eleng gore ba kgona go baya kopi e le nngwe mo letseleng lengwe le lengwe mme ba game ka nako e le nngwe. Baya toulu gaufi go direla gore fa o itshela o kgone go phimola.

  • Ka matsogo a a phepa, simolola ka go tshikinya letsele o bo o le tsosa mme o gogagoge thoba.

  • Baya monwana wa kgonotswe le wa go supa centimetara e le nngwe mo morago ga thoba ya gago. Seno se ka nna sa nna kgotsa sa seka sa nna mo kgolokweng ya thoba (bontsho jo bo dikologileng thoba). Baya menwana o e dirile C o seka wa tshwara letsele la gago (letlalo le le mogare ga kgonotswe ya gago le supa monwana ga a tshwanela go nna mo letseleng, go tshwanetse go bonale phatlha).

  • Gogela letsele la gago mo teng ga sehuba sa gago.

  • Dikolosa menwana ya gago jaaka ekete o gatisa menwana.

  • Dira seno kgapetsakgapetsa.

  • O tla itse gore menwana ya gago e ntse sentle fa o bona maši a rotha, o bona a kgatsha a bo a tshologa sentle.

  • Dikolosa letsogo mo letseleng gore mesima ya maši e bulege go dikologa letsele mme a sa tswa fela mo letlhakoreng le le lengwe.

  • O seke wa phatlhalatsa menwana, o seka wa tamusa, o seka wa relela mme o seka wa goga thoba ya gago gore e seka ya nna botlhoko mme ya lemala..

© 2025 by La Leche League South Africa. Read our Privacy Policy here. Read our PAIA Manual here.

  • Facebook Social Icon
MySchool button.png

All images and other materials posted on this site are subject to copyrights owned by La Leche League South Africa or other individuals.  Any reproduction, retransmission, distribution or republication of all or part of any images, and other materials found on this site is expressly prohibited, unless La Leche League South Africa or the copyright owner of the material has expressly granted its prior written consent.  All other rights reserved.  

bottom of page